POTSO 4: DIPOPEGO TSA PUO LE MELAWANA YA TIRISO Buisa setlhangwa se se latelang mme o arabe dipotso tse di fa tlase ga sona. Ngongorego ya kgosi mo motseng e ne e ntse e gola. Botemepedi ba ne ba feretlha batho ba ba thottheletsa gore ba ile Matsheng. Boitumelo jwa gagwe mo motseng bo ne jwa nna le khutsafalo . Nako e ne e fela. Kwa lelapeng la ga mmaagwe Peolane, matshwenyego a go buisana le Peolane a ne a le mantis, rraagwe Peolane jaanong o ne a le mo gae. Gape letshwenyo la ga Kabelo le le sa feleng le ne le tlaa nna le tswelela. Go nise go le jalo, Matsheng a bona gore go thata go nna kwa ntle ga ga Peolane. A batla Peolane. Fa a goroga a kokota mojako, mme Peolane a mmulela a tsena. Fa ba sena go dumedisana, ba nna mo ntlung e e kwa pele. Peolane, go na le ditlhare di le pedi ka fa thoko ga tsela e e yang ntlheng ya moraka wa Lonatse tse di siametseng gore re bonane fa go tsona mo maitisong ano ka nako ya kopadilalelo a phirima. Le wena o a lemoga gore mo lelapeng le, ga go na sebaka se se siameng gore re bonane ka kgololosego. "A o tlaa tla?" Matsheng a mmotsa. Peolane a dumela ka go ota tlhogo. E nopotswe go tswa: Legae Botshabelo: LD Raditladi 2016] Dipotso 4.1 4.2 Neela leemedi boemong jwa lefoko le le ntshofaditsweng. Bolela gore polelo e, e mo modirisong ofe: Go ota tlhogo. (1) (1) 4.3 Fetolela polelo e, mo kganetsong: Peolane a dumela ka go ota tlhogo. (1) 4,4 Kwala khutshwafatso ya leina Kabelo. (1) 4.5 Fetolela polelo e go pakatlaang: Fa a goroga a kokota mojako. (1) 4.6 Nopola polelo ya puosebui mo temaneng ya bobedi. (1) 4.7 Ntsha kutu gotswa mo lefokong "baitumelo". (1) 4.8 Nisha lethaodi go Iswa mo temaneng ya bobedi mme o neele le mofuta wa lona. (2) 4.9 Dirisa lediri 'batla' mo polelong jaaka lediriletlhaedi. (2) 4.10 Siamisa mopeleto mo polelong e e ntshofaditsweng mo temaneng ya ntlha. 4.11 Bopa seane ka lefoko "tlhogo" (2) 4.12 Ntsha polelwanakutu go tswa mo polelong e e latelang. Botemepedi ba ne ba feretlha batho ba ba tlhotlheletsa gore ba ile Matsheng. (2) 4.13 Lokolola polelo e e latelang. Matsheng o kokota mojako. 331 1201​



Answer :

Other Questions